FOROMO YA GO TLHOPHA BASADI BA BA DIRANG KA METSI, BOPHEPA LE JALO YA DIKGWA YA 2006
Matseno
Morago ga 1994, Palamente ya rona e na le selekano se se kwa godimo go gaisa sa basadi go ralala lefatshe - basadi ba ba maatla, ba ba sa itshabeng mme e bile ba itomile sesino. Re saenetse Tumelano ya go Fedisa Tlhaolo Kgatlhanong le Basadi. Re na le basadi ba e leng Ditona, basadi ba ba eteletseng pele mafapha a puso a a maatla, basadi ba e leng baeteledipele mo mererong ya kgwebo le indaseteri gammogo le basadi ba ba eteletseng pele baagi ba ba tshelang nabo. Mme mo lephateng la metsi, jalo ya dikgwa le sanitasi, re ba le basadi ba le bantsi tota ba ba itshupileng.
Gore go lemogwe seabe se basadi ba ntseng le sona le se ba tsweletseng go nna naso mo mererong ya metsi, bophepa le tsamaiso ya jalo ya dikgwa mo Aforika Borwa, Lefapha la Merero ya Metsi le Jalo ya Dikgwa, Khomišene ya Patlisiso ya Metsi le Setheo sa Metsi sa Aforika Borwa, mmogo, di tlhamile Dikgele tsa Basadi ba ba dirang ka Metsi, tse jaanong di bidiwang Dikgele tsa Basadi ba ba dirang ka Metsi, Bophepa le Jalo ya Dikgwa. Maitlhomo a maiteko ano ke go tlotla le go keteka go dira ka natla ga basadi, le go sedimosa:
Seabe sa basadi ba e leng baporofešenale le basadi ba ba mo baaging ba ba dirang ka metsi, bophepa le tsamaiso ya jalo ya dikgwa le
Seabe sa botlhokwa sa basadi malebana le metsi, bophepa, jalo ya dikgwa le go fedisa lehuma, thuto le tlhabololo ya leruri kwa metseseteropong le kwa metsemagaeng.
Go tlhomiwa ga Dikgele tsa Basadi ba ba Dirang ka Metsi ka kgwedi ya Mopitlwe 2002, e nnile letshwao la tshimologo ya setso sa botlhokwa tota mo lephateng la metsi le jalo ya dikgwa mo Aforika Borwa. Monongwaga re aba dikgele go basadi ba ba nnileng le seabe sa boeteledipele mo ditlhopheng di le tlhano:
Patlisiso e Kgolwane (fano go lebeletswe motlhophiwa yo o nang le dingwaga di le 35 le go feta )
Patlisiso e Potlana (fano go lebeletswe motlhophiwa yo o nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga 35)
Tlhabololo ya Baagi
Thuto le Temoso
Botsamaisi le Go Dira Dipholisi
Motlhophiwa wa ditlhopha tseno e ka nna motho a le nosi gongwe setlhopha. Dikgele di tla abelwa basadi ba maemo, basadi ba ba dirileng ka botswerere mo maphateng a bona, le ba ba nnileng le seabe se se bonalang mo maphateng a metsi, bophepa le jalo ya dikgwa mo Aforika Borwa.
Batlhophiwa ba ba atlegileng ba tla tlhophiwa ke phanele ya baatlhodi go ya ka:
tiriso ya kitso, bokgoni le bokgoni jo bo lekaneng go netefatsa gore tsamaiso ya metsi, bophepa le jalo ya dikgwa mo Aforika Borwa e tshwaela mo go ageng Aforika Borwa e e leng ya botlhe ka nnete.
DITAELO TSA GO TLHOPHA
Tsweetswee tlatsa foromo ya go dira kopo e e tlametsweng mme o kwale dintlha tse di bonalang fela jaaka go kopilwe. Diforomo tse di tlantsweng le tsa ileketoroniki le tsona di tla amogelwa.
Foromo ya go tlhopha e tshwanetse go patiwa ke thotlotetso e e kwadilweng ka seatla gongwe e tlantswe e e nang le mafoko a a magareng ga 500 le 1 000. Go dirisiwa dintlhatheo tse di mo lenaneng le le fa tlase, thotloetso ya gago e tshwanetse go tlhalosa gore ke eng motho/setlhopha se o se tlhophileng se tshwanetse go amogela sekgele.
Lerelo la "motlhophiwa" le kaya motho gongwe setlhopha se se tlhophiwang.
Foromo ya go tlhopha e tshwanetse go akaretsa dintlha tsa kgolagano tsa batho ba le babedi ba go ka netefadiwang dintlha mo go bona gammogo le dintlha tsa motlhophi (motho yo o tlhophang motlhophiwa)
Supa ka botlalo gore motlhophiwa o na le seabe mo lephateng le fe (metsi, bophepa gongwe jalo ya dikgwa).
DINTLHATHEO LE MELAWANA
Seno se tshwanetse go dirisiwa jaaka kaedi ya go tlhopha mosadi/basadi, ba ba nang le seabe mo diporojekeng tse di tlwaelegileng le tse di sa tlwaelegang tse di amanang le metsi, bophepa le jalo ya dikgwa.
DINTLHATHEO TSA GO DIRA TLHOPHO
NTLHATHEO
TLHALOSO
Rekoto e e Netefaditsweng
A ga jaana motlhophiwa/batlhophiwa o/ba dira/na le seabe mo lephateng la metsi, bophepa gongwe jalo ya dikgwa?
Ke tiro efe e motlhophiwa/batlhophiwa a/ba kileng a/ba e dira mo go lengwe fela la maphata ano?
Boitshimololedi le Boeteledipele
Tiro/porojeke e na le boitshimololedi jo bo kana kang, a mme gona ga e ise e dirwe gope?
Motlhophiwa/batlhophiwa o/ba bontshitse bokgoni jwa botsamaisi le boeteledipele jang?
Tsamaiso ya Porojeke le Tiragatso
Tlhalosa gore motlhophiwa/batlhophiwa o/ba tsamaisitse porojeke jang ka go dirisa ditlamelo di tshwana le madi, batho le nako?
Tlhalosa ka moo motlhophiwa/batlhophiwa a/ba dirisitseng ditlamelo ka gona go feleletsa tiro/porojeke?
Tshwaelo mo phetolong e e siameng ya boitshwaro le maitsholo
Tiro/porojeke e thusitse ba bangwe jang go fetola megopolo, boitshwaro gongwe ditiro malebana le metsi, bophepa gongwe jalo ya dikgwa?
Tshwaelo mo tlhabololong le tiragatsong ya diporojeke tse di nnelang ruri
Tiro/Porojeke e nnile le seabe jang mo kgolong le phitlhelelo ya diporojeke tsa pakatelele (tse di nnang sebaka se seleele)?
Tshwaelo mo seabeng sa setšhaba/baagi/banni le seabe
Tlhalosa ka moo motlhophiwa/batlhophiwa a/ba akareditseng ditokololo tsa setšhaba gongwe baagi ka gona mo tirong/porojekeng le ka moo tiro/porojeke e amileng baagi ka kakaretso ka gona.
Boitshoko le kgotlhelelo
Re bolelele ka dikgwetlho tse di itemogetsweng fa tiro/porojeke e ne e simololwa.
Tshwaelo mo ditsamaisong tsa go tsaya ditshwetso
Seabe sa motlhophiwa/batlhophiwa e nnile sefe mo ditshwetsong tse di tserweng tse di neng di ama porojeke? Ke ditshwetso dife tse di dirilweng ke motlhophiwa/batlhophiwa ka boena/e le setlhopha tse di fetotseng maemo a porojeke/tiro?
Maikarabelo
Motlhophiwa/batlhophiwa o/ba tshola direkoto tsa ditiragalo tsotlhe tsa tiro/porojeke jang? A mme direkoto tseno di gona go ka lebelelwa fa go kopiwa jalo? Motlhophiwa/Batlhophiwa o/ba dira jang pegelo malebana le tswelelopele ya tiro/porojeke?
Botswerere jwa Thotloetso
Motlhophiwa/Batlhophiwa o/ba ithotloetsa jang ena le ba bangwe go tokafatsa le go fitlhelela maitlhomo le diphitlhelelo?
MELAWANA
Letlha la go tswalela go tlhagisiwa ga motlhophiwa ke 30 Moranang 2006, mme tshwetso ya baatlhodi ke yona ya makgaolakgang.
Go tla amogelwa fela diforomo tsa go dira kopo tse di tladitsweng ka botlalo mme di tshwanetse go akaretsa thotloetso ya mafoko a a magareng ga 500 le 1000 malebana le seabe sa motlhophiwa mo lephateng la metsi, jalo ya dikgwa le bophepa.
Bafenyi ba dikgele ba tla itsisiwe ka Kgwedi ya Bosetšhaba ya Basadi ka 2006.
Go tla amogelwa diforomo tsa go dira kopo tse di tlisiwang ka seatla, ka fekese, ka tsela ya ileketoroniki le tse di positsweng.
Go ka tlhophiwa ditlhopha tse di fetang bongwe.
Go diragadiwa melawana le tsamaiso e e tshwanang le fa motho a itlhopha ka boena.
Dikhopi tsa foromo ya go dira kopo di ka bonwa kwa:
Lekgotlatoropo la gaeno la Selegae gongwe:
Ikgolaganye le Motlhankedi wa Tlhaeletsano kwa Kantorong ya Kgaolo e e gaufi nao ya Lefapha la Merero ya Metsi le Jalo ya Dikgwa.
KGAOLO
LEINA
MOGALA
NOMORO YA FEKESE
ATERESE YA POSO
ATERESE YA MMILA
Kapa Botlhaba
Bloemfontein
Bloemfontein
Mpumalanga
DINTLHA TSA SEBELE
MaLeina la Motlhophiwa Motho a le nosi gongwe setlhopha
Leina la Mokgatlho/Lefapha/Mokgatlho o e seng wa Puso/Setheo/Setlhopha sa Baagi
Aterese ya Mmila
Khoutu
Porofense
Aterese ya Poso
Dinomoro tsa Kgolagano:
Kantoro: ... 
Legae: ... 
Sele: ... 
Fekese: ... 
Nomoroitshupo: ... 
Fa e se moagi wa Aforika Borwa, tlhagisa gore o na le dingwaga di le kae a nna mo Aforika Borwa
Leina la motlhophi (motho yo o tlhophang motlhophiwa)
Dinomoro tsa kgolagano:
Kantoro: ... 
Legae: ... 
Sele: ... 
Fekese: ... 
O tlhophetswe setlhopha sa: (tsweetswee tshwaya setlhopha/ditlhopha tse di tlhalosang tiro/porojeke ya gago/motlhophiwa)
Patlisiso e Kgolwane (fano go lebeletswe motlhophiwa yo o nang le dingwaga di le 35 le go feta )
Patlisiso e Potlana (fano go lebeletswe motlhophiwa yo o nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga 35)
Tlhabololo ya Baagi
Thuto le Temoso
Botsamaisi le Go Dira Dipholisi
Ela tlhoko: O ka tlhopha ditlhopha tse di fetang bongwe. Thotloetso e e kwadilweng e tshwanetse go tlhalosa setlhopha se o se tlhophileng.
SETLHOPHA
TLHALOSO
Patlisiso e Kgolwane (fano go lebeletswe motlhophiwa yo o nang le dingwaga di le 35 le go feta )
Setlhopha seno se akaretsa tiro/diporojeke, tse di samaganang le patlisiso mo maphateng a a farologaneng (metsi, bophepa le jalo ya dikgwa). Motlhophiwa/batlhophiwa o/ba tshwanetse go nna bogolo jwa dingwaga tse 35 gongwe go feta
Patlisiso e Potlana (fano go lebeletswe motlhophiwa yo o nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga 35)
Setlhopha seno se akaretsa tiro/diporojeke, tse di samaganang le patlisiso mo maphateng a a farologaneng (metsi, bophepa le jalo ya dikgwa). Motlhophiwa/batlhophiwa o/ba tshwanetse go nna bogolo jwa dingwaga tse di ka fa tlase ga 35
Tlhabololo ya Baagi
Setlhopha seno se akaretsa tiro/diporojeke tse di thusang go tlhabolola baagi mo maphateng a a farologaneng (metsi, bophepa le jalo ya dikgwa).
Thuto le Temoso
Setlhopha seno se akaretsa tiro/diporojeke tse di rutang le go tsweletsa temoso mo baaging malebana le merero ya metsi, bophepa gongwe jalo ya dikgwa.
Botsamaisi le Go Dira Pholisi
Setlhopha seno se akaretsa tsamaiso gongwe ditshwetso tsa pholesi tse di dirilweng ke motlhophiwa/batlhophiwa mo tirong/diporojekeng.
Tsweetswee re neele dintlha tsa kgolagano tsa batho ba le babedi ba go ka netefadiwang dintlha mo go bona ba ba itseng mofuta wa tiro/porojeke e motlhophiwa/batlhophiwa a/ba e dirang mme e na le tshwaelo mo lephateng la metsi, bohepa le jalo ya dikgwa.
Motho 1: Leina & Sefane ... 
Kantoro: ... 
Legae: ... (ka boitlhophelo)
Sele: ... 
Fekese: ... 
Motho 2: Leina & Sefane ... 
Kantoro: ... 
Legae: ... (ka boitlhophelo)
Sele: ... 
Fekese: ... 
